previous next

1 BAKORINTHE 2

Mokgwa wa thero ya ga Paulo

1 Bakaulengwe, le nna e rile ke tla koo go lona, ka feta ka lo bolelela tshupo ya Modimo, e seng ka mafoko a a gaisang le e seng ka botlhale jo bogolo.t 2 Gonne ke ne ke sa ikaelela go lo itsise sepe fa e se Jesu Keresete fela, ene yo o bapotsweng. 3 Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo.t 4 Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata,

5 gore tumelo ya lona e se ka ya ema ka botlhale jwa batho, mme e eme ka thata ya Modimo.t
6 Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang. 7 Mme re bua botlhale jwa Modimo jo e leng bosaitsiweng, jo bo fitlhegileng, jo Modimo o sa leng o bo rulaganya pele, dipaka di ise di nne teng go re isa kgalalelong,t 8 jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo.t

9 Mme go ntse jaaka go kwadilwe ga twe:
“Tse leitlho le sa di bonang,
tse tsebe e sa di utlwang,
tse di sa tsenang
mo pelong ya motho,
ke tsona tse Modimo
o di baakanyeditseng
bone ba ba o ratang.”t
10 Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo.t

11 Kana ke mang mo bathong yo o itseng tse di mo mothong, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Le gona jalo ga go ope yo o itseng tse di mo Modimong fa e se Mowa wa Modimo.
12 Mme rona ga re a tshola mowa wa lefatshe, re na le Mowa o o tswang mo Modimong gore re tle re itse dilo tse re di abetsweng ke Modimo; 13 tse e bileng re di bolela, e seng ka mafoko a a rutwang ka botlhale jwa botho, mme e le ka a a rutwang ke Mowa o o Boitshepo ka go tlhalosetsa ba Mowa tsa Mowa.t 14 Mme motho wa nama ga a tshole dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne di bosilo mo go ene, ga a kgone go di tlhaloganya; gonne di ka atlholwa ka Mowa fela.t 15 Wa mowa o atlhola tsotlhe, mme ene ka esi ga a atlholwe ke ope.t 16 “Ke mang yo o itsileng boitlhômô jwa Morena go ka mo ruta?” Mme rona re na le boitlhômô jwa ga Keresete.t

1 Corinthians 2

1 And I, brethren, when I came unto you, came not with excellency of speech or of wisdom, proclaiming to you the testimony of God.2 For I determined not to know anything among you, save Jesus Christ, and him crucified.3 And I was with you in weakness, and in fear, and in much trembling.4 And my speech and my preaching were not in persuasive words of wisdom, but in demonstration of the Spirit and of power:5 that your faith should not stand in the wisdom of men, but in the power of God.6 We speak wisdom, however, among them that are fullgrown: yet a wisdom not of this world, nor of the rulers of this world, who are coming to nought:7 but we speak God’s wisdom in a mystery, even the wisdom that hath been hidden, which God foreordained before the worlds unto our glory:8 which none of the rulers of this world hath known: for had they known it, they would not have crucified the Lord of glory:9 but as it is written, Things which eye saw not, and ear heard not, And which entered not into the heart of man, Whatsoever things God prepared for them that love him.

10 But unto us God revealed them through the Spirit: for the Spirit searcheth all things, yea, the deep things of God.11 For who among men knoweth the things of a man, save the spirit of the man, which is in him? even so the things of God none knoweth, save the Spirit of God.12 But we received, not the spirit of the world, but the spirit which is from God; that we might know the things that were freely given to us of God.13 Which things also we speak, not in words which man’s wisdom teacheth, but which the Spirit teacheth; combining spiritual things with spiritual words.14 Now the natural man receiveth not the things of the Spirit of God: for they are foolishness unto him; and he cannot know them, because they are spiritually judged.15 But he that is spiritual judgeth all things, and he himself is judged of no man.16 For who hath known the mind of the Lord, that he should instruct him? But we have the mind of Christ.