1 BAKORINTHE 4
Badiredi ba ga Keresete
1 A motho mongwe le mongwe a re kaye jaaka re le batlhanka ba ga Keresete le balebeledi ba masaitsiweng a Modimo.t 2 Mme kana go batlega mo go bone balebeledi gore mongwe le mongwe a fitlhelwe a le boikanyo.t 3 Mme mo go nna ke selo se sennyennye go ka atlholwa ke lona gongwe ka katlholo ya batho: Ee, le nna ka nosi ga ke ikatlhole; 4 gonne ga ke itemoge sepe, mme ga se gore ke kaiwa mosiami ka go re jalo; yo o nkatlholang ke Morena.t
5 Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.tBoikgodiso jwa Bakorinthe, bonolo jwa baapostolo
6 Ba ga etsho, dilo tseo ke di lebisitse mo go nna le Apolo ka ntlha ya lona gore lo ithute ka rona, mme lo se nne le maikutlo a a fetang tse di kwadilweng, gore go se nne ope mo go lona yo o ikgogomosang ka moruti mongwe, a nyatsa yo mongwe.t
7 Ke mang yo o go nayang go gaisa ba bangwe? O na le eng se o sa se newang? Mme fa o se neilwe, o ipokelang jaaka e kete ga o a se newa?t
8 Lo setse lo kgotshe. Lo setse lo humile. Lo busa kwa ntle ga rona. Mme e kete lo ka busa tota, ra tla ra busa mmogo le lona!t 9 Gonne ke bona gore e kete rona baapostolo Modimo o re beile kwa moragorago jaaka ba ba atlholetsweng loso; gonne re diregile tshameko e e lejwang ke lobopo lotlhe, e bong baengele le batho.t 10 Rona re masilo ka ntlha ya ga Keresete, mme lona lo matlhale mo go Keresete; rona re bokoa, mme lona lo thata; lona lo batlotlegi, mme rona re banyatsegi.t 11 Nako e sa le eno re tshwerwe ke tlala le lenyora, ga re a ikatega, re a itewa, ga re na boago jwa tlhomamo.t 12 Re itapisa ka tiro ya diatla tsa rona; fa re omanngwa, rona re a tshegofatsa; fa re bogisiwa, rona re a itshoka.t
13 Fa re kgalwa, rona re bua ka molemo; re diregile matlakala a lefatshe le makgobolo a botlhe, nako e sa le eno.t
14 Ga ke kwale dilo tseo go lo tlhabisa ditlhong, mme e le go lo kaela jaaka bana ba me ba ba rategang; 15 gonne le fa lo ka bo lo na le balai ba le dikete di le some mo go Keresete, borraeno bone ga ba bantsi; ka gonne ke nna ke lo tsetseng mo go Keresete Jesu ka Efangele.t 16 Ke ka moo ke lo layang ke re: Nnang baetsi ba me!t
17 Ke gona ka moo ke lo rometseng Timotheo yo e leng morwaake yo o rategang, yo o ikanyegang mo Moreneng. Ke ene yo o tla lo gopotsang ditsela tsa me mo go Keresete, jaaka ke ruta gongwe le gongwe mo diphuthegong tsotlhe.t
18 Mme ba bangwe ba ikgogomositse, jaaka e kete ga ke ne ke tla koo go lona. 19 Mme ke tla akofa ke tla koo go lona, fa Morena a rata; foo ke tla itse thata ya bone ba ba ikgogomositseng, e seng mafoko a bone.t 20 Gonne puso ya Modimo ga e mo mafokong, mme e mo thateng.t 21 Jaanong lo ratang? A ke ke tle go lona ka thupa gongwe ka lorato le ka mowa wa bonolo?
1 Corinthians 4
1 Let a man so account of us, as of ministers of Christ, and stewards of the mysteries of God.2 Here, moreover, it is required in stewards, that a man be found faithful.3 But with me it is a very small thing that I should be judged of you, or of man’s judgment: yea, I judge not mine own self.4 For I know nothing against myself; yet am I not hereby justified: but he that judgeth me is the Lord.5 Wherefore judge nothing before the time, until the Lord come, who will both bring to light the hidden things of darkness, and make manifest the counsels of the hearts; and then shall each man have his praise from God.6 Now these things, brethren, I have in a figure transferred to myself and Apollos for your sakes; that in us ye might learn not to go beyond the things which are written; that no one of you be puffed up for the one against the other.7 For who maketh thee to differ? and what hast thou that thou didst not receive? but if thou didst receive it, why dost thou glory as if thou hadst not received it?8 Already are ye filled, already ye are become rich, ye have come to reign without us: yea and I would that ye did reign, that we also might reign with you.9 For, I think, God hath set forth us the apostles last of all, as men doomed to death: for we are made a spectacle unto the world, both to angels and men.10 We are fools for Christ’s sake, but ye are wise in Christ; we are weak, but ye are strong; ye have glory, but we have dishonor.11 Even unto this present hour we both hunger, and thirst, and are naked, and are buffeted, and have no certain dwelling-place;12 and we toil, working with our own hands: being reviled, we bless; being persecuted, we endure;13 being defamed, we entreat: we are made as the filth of the world, the offscouring of all things, even until now.14 I write not these things to shame you, but to admonish you as my beloved children.15 For though ye have ten thousand tutors in Christ, yet have ye not many fathers; for in Christ Jesus I begat you through the gospel.16 I beseech you therefore, be ye imitators of me.17 For this cause have I sent unto you Timothy, who is my beloved and faithful child in the Lord, who shall put you in remembrance of my ways which are in Christ, even as I teach everywhere in every church.18 Now some are puffed up, as though I were not coming to you.19 But I will come to you shortly, if the Lord will; and I will know, not the word of them that are puffed up, but the power.20 For the kingdom of God is not in word, but in power.21 What will ye? shall I come unto you with a rod, or in love and a spirit of gentleness?