1 BAKORINTHE 8
Karabo ka ga nama ya ditlhabelo tse di tlhabetsweng medimo
1 Jaanong fa e le nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re a e itse; gonne rotlhe re na le kitso. Kitso e a budulosa, mme lorato lone lo a aga.t 2 Mme fa mongwe a ithaya a re, o itse sengwe, yoo ga a ise a lemoge ka fa a tshwanetseng go itse ka teng.t
3 Mme fa mongwe a rata Modimo, yoo o itsilwe ke ona.t
4 Jaanong fa e le go ja nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re itse gore modimo wa seseto ga o sepe mo lefatsheng le gore ga go Modimo ope o sele, fa e se ona o le mongwe fela.t 5 Gonne le fa go ka ne go le teng tse go tweng ke medimo, le fa e le kwa legodimong gongwe mo lefatsheng – jaaka go na le medimo e le mentsi le barena ba le bantsi –
6 le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.t
7 Mme kitso eo ga e mo go botlhe; bangwe go fitlha jaanong ba sa ntse ba tlwaetse modimo wa seseto, ba ja nama eo ka tumelo ya gore ke setlhabelo sa medimo; jaanong digakolodi tsa bone tse di bokoa di kgotlelege.t
8 Mme dijo ga di re atametse Modimo; fa re ja, ga re thusege; fa re sa je, ga re thusologe.t
9 Mme itiseng, e se re gongwe kgololesego eo ya lona ya nna sekgopi mo go bone ba ba bokoa!t 10 Gonne fa mongwe wa bone a ka go bona, wena yo o nang le kitso, o ntse fa dijong mo tempeleng ya medimo, a segakolodi sa yo o bokoa yoo ga se kitla se tlhotlhelediwa go ja tse di tlhabetsweng medimo ya diseto? 11 Ka go re jalo mokaulengwe yo o bokoa, yo Keresete o mo swetseng, o tla senyega pelo ka kitso ya gago.t 12 Mme e re ka lo leofela bakaulengwe jalo le go khutla digakolodi tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete. 13 Ka moo he, fa dijo di ka kgopisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke ja nama ka bosakhutleng gore ke se kgopise mokaulengwe wa me.t
1 Corinthians 8
1 Now concerning things sacrificed to idols: We know that we all have knowledge. Knowledge puffeth up, but love edifieth.2 If any man thinketh that he knoweth anything, he knoweth not yet as he ought to know;3 but if any man loveth God, the same is known by him.4 Concerning therefore the eating of things sacrificed to idols, we know that no idol is anything in the world, and that there is no God but one.5 For though there be that are called gods, whether in heaven or on earth; as there are gods many, and lords many;6 yet to us there is one God, the Father, of whom are all things, and we unto him; and one Lord, Jesus Christ, through whom are all things, and we through him.7 Howbeit there is not in all men that knowledge: but some, being used until now to the idol, eat as of a thing sacrificed to an idol; and their conscience being weak is defiled.8 But food will not commend us to God: neither, if we eat not, are we the worse; nor, if we eat, are we the better.9 But take heed lest by any means this liberty of yours become a stumblingblock to the weak.10 For if a man see thee who hast knowledge sitting at meat in an idol’s temple, will not his conscience, if he is weak, be emboldened to eat things sacrificed to idols?11 For through thy knowledge he that is weak perisheth, the brother for whose sake Christ died.12 And thus, sinning against the brethren, and wounding their conscience when it is weak, ye sin against Christ.13 Wherefore, if meat causeth my brother to stumble, I will eat no flesh for evermore, that I cause not my brother to stumble.