previous next

1 JOHANE 5

Tumelo mo go Jesu, le maungo a yona

1 Mongwe le mongwe yo o dumelang gore Jesu ke ene Keresete o tsetswe ke Modimo; mme mongwe le mongwe yo o ratang one o o tsetseng, e bile o rata ba ba tsetsweng ke one.t 2 Se re itseng ka sona gore re rata bana ba Modimo ke fa re rata Modimo, re be re dirafatsa ditaolo tsa ona. 3 Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata.t 4 Gonne botlhe ba ba tsetsweng ke Modimo ba fenya lefatshe; mme tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe.t

5 Mme ke mang yo o fenyang lefatshe fa e se ene yo o dumelang gore Jesu ke Morwa Modimo?t
6 Yo ke ene yo o tsileng ka metsi le madi, Jesu Keresete, e seng ka metsi a le osi, mme e le ka metsi le madi. Mme Mowa ke one o o supang, gonne Mowa ke boammaaruri.t 7 Gonne go ba bararo ba ba supang, 8 e bong Mowa le metsi le madi; boraro jo, bo supela gongwe. 9 Fa re tshola tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke yona e, e o e supileng ka ga Morwaa-ona. 10 Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le tshupo mo teng ga gagwe. Yo o sa dumeleng Modimo o o dirile moaki, ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwaa-ona.t 11 Mme tshupo eo ke e e reng: Modimo o re neile bophelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwaa-ona.

12 Yo o nang le Morwa o na le bophelo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na bophelo.
13 Dilo tseo ke di lo kwaletse gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng. 14 Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona.t

15 Mme fa re itse gore o a re utlwa, le fa re ka ne re kopa eng, foo re itse gore re setse re tshotse tse re di kopileng mo go ona.
16 Fa motho a bona morwa-rraagwe a leofa ka boleo jo bo sa iseng kwa losong, a a kope, mme Modimo o tla mo neela bophelo, o bo neela ba ba sa leofang ka boleo jo bo isang kwa losong. Go na le boleo jo bo isang kwa losong; ga ke bue ka ga jona, fa ke re, a a kope.t

17 Tshiamololo nngwe le nngwe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng kwa losong.

18 Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara.t

19 Re itse gore re ba Modimo; mme lefatshe lotlhe le mo thateng ya yo-o-bosula.t

20 Re bile re itse gore Morwa Modimo o tsile, a re naya tlhaloganyo ya gore re itse ene yo e leng boammaaruri. Mme re mo go ene yo e leng boammaaruri, mo go Morwaa-ona, Jesu Keresete. Yoo ke ene Modimo wa boammaaruri le bophelo jo bo sa khutleng.t
21 Banaka, itiseng mo medimong e sele.t

1 John 5

1 Whosoever believeth that Jesus is the Christ is begotten of God: and whosoever loveth him that begat loveth him also that is begotten of him.2 Hereby we know that we love the children of God, when we love God and do his commandments.3 For this is the love of God, that we keep his commandments: and his commandments are not grievous.4 For whatsoever is begotten of God overcometh the world: and this is the victory that hath overcome the world, even our faith.5 And who is he that overcometh the world, but he that believeth that Jesus is the Son of God?6 This is he that came by water and blood, even Jesus Christ; not with the water only, but with the water and with the blood.7 And it is the Spirit that beareth witness, because the Spirit is the truth.8 For there are three who bear witness, the Spirit, and the water, and the blood: and the three agree in one.9 If we receive the witness of men, the witness of God is greater: for the witness of God is this, that he hath borne witness concerning his Son.10 He that believeth on the Son of God hath the witness in him: he that believeth not God hath made him a liar; because he hath not believed in the witness that God hath borne concerning his Son.11 And the witness is this, that God gave unto us eternal life, and this life is in his Son.12 He that hath the Son hath the life; he that hath not the Son of God hath not the life.13 These things have I written unto you, that ye may know that ye have eternal life, even unto you that believe on the name of the Son of God.14 And this is the boldness which we have toward him, that, if we ask anything according to his will, he heareth us:15 and if we know that he heareth us whatsoever we ask, we know that we have the petitions which we have asked of him.16 If any man see his brother sinning a sin not unto death, he shall ask, and God will give him life for them that sin not unto death. There is a sin unto death: not concerning this do I say that he should make request.17 All unrighteousness is sin: and there is a sin not unto death.18 We know that whosoever is begotten of God sinneth not; but he that was begotten of God keepeth himself, and the evil one toucheth him not.19 We know that we are of God, and the whole world lieth in the evil one.20 And we know that the Son of God is come, and hath given us an understanding, that we know him that is true, and we are in him that is true, even in his Son Jesus Christ. This is the true God, and eternal life.21 My little children, guard yourselves from idols.