1 PETORO 1
Tumediso
1 Nna Petoro, moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baeng ba e leng bafaladi kwa Ponto le Galatia le Kapatokia le Asia le Bithinia, ba ba tlhaotswengt
2 ka fa maikaelelong-pele a Modimo Rara ka boitshepiso jwa Mowa, gore ba utlwe Jesu Keresete, ba kgatshiwe ka madi a gagwe:
A bopelotlhomogi le kagiso di lo ntsifalele!tTebogo ka ntlha ya tsholofelo ya pholoso
3 A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing, 4 re tle re rue boswa jo bo sa nyeleleng, jo bo se nang sebala, jo bo sa swabeng, jo lo bo boloketsweng kwa legodimong,t
5 lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.t
6 Ke tsona tse lo di itumelelang, ba lo hutsafaditsweng kajeno go le gonnye ka diteko tsa mefutafuta ka fa go batlegang ka teng,t 7 gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,t 8 yo lo mo ratang, le fa lo sa mmona, yo lo dumelang mo go ene, le fa jaanong lo sa mmone, mme lo tla itumela ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo galaleditsweng,t
9 lo amogela bofelelo jwa tumelo ya lona, e bong pholoso ya mewa ya lona.t
10 Fa e le pholoso eo, baporofeti ba ba boletseng pele ka ga bopelotlhomogi jo bo laotsweng gore lo bo bone, ba ne ba e batlisisa, ba e tlhotlhomisa;t 11 ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.t
12 Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba.tKaelo ya go nna boitshepo
13 Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.t 14 Nnang bana ba ba utlwang, se laolweng ke dikeletso tsa pele tsa go tlhoka kitso ga lona,t 15 mme le lona lo nne boitshepo mo tsamaong yotlhe ya lona, jaaka ene yo o lo biditseng a le boitshepo,
16 ka go kwadilwe ga twe: “Nnang boitshepo; gonne nna ke boitshepo.”t
17 Jaanong e re ka lo mmitsa Rara yo o atlholang ka fa tirong ya mongwe le mongwe, a sa gobelelele ope, tsamayang ka poifo mo sebakeng sa boeng jwa lona,t 18 ka lo itse gore mo tsamaong ya boithamako ya lona e lo e bonyeng mo go borraeno, ga lo a gololwa mo go yona ka dilo tse di nyelelang, jaaka selefera le gouta,t 19 mme e le ka madi a a molemolemo a ga Keresete, e le a kwana e e se nang nyatsego le fa e le sebala,t 20 yo o sa leng a itsiwe pele, lefatshe le ise le tlholwe, mme a bonadiwa mo metlheng ya bofelo ka ntlha ya lonat
21 ba lo dumetseng ka ene mo Modimong o o mo tsositseng mo baswing, wa mo naya kgalalelo, gore tumelo ya lona le tsholofelo di nne mo Modimong.t
22 E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang, 23 lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri.t
24 Gonne:
“Nama yotlhe
e ntse jaaka bojang,
kgalalelo yotlhe ya motho
e ntse jaaka
sethunya sa bojang.
Bojang bo a swaba
le sethunya se tlhotlhorege,t
25 mme Lefoko la Morena
le ntse ka bosakhutleng.”
Lefoko leo ke lone le lo le reretsweng.t
1 Peter 1
1 Peter, an apostle of Jesus Christ, to the elect who are sojourners of the Dispersion in Pontus, Galatia, Cappadocia, Asia, and Bithynia,2 according to the foreknowledge of God the Father, in sanctification of the Spirit, unto obedience and sprinkling of the blood of Jesus Christ: Grace to you and peace be multiplied.3 Blessed be the God and Father of our Lord Jesus Christ, who according to his great mercy begat us again unto a living hope by the resurrection of Jesus Christ from the dead,4 unto an inheritance incorruptible, and undefiled, and that fadeth not away, reserved in heaven for you,5 who by the power of God are guarded through faith unto a salvation ready to be revealed in the last time.6 Wherein ye greatly rejoice, though now for a little while, if need be, ye have been put to grief in manifold trials,7 that the proof of your faith, being more precious than gold that perisheth though it is proved by fire, may be found unto praise and glory and honor at the revelation of Jesus Christ:8 whom not having seen ye love; on whom, though now ye see him not, yet believing, ye rejoice greatly with joy unspeakable and full of glory:9 receiving the end of your faith, even the salvation of your souls.10 Concerning which salvation the prophets sought and searched diligently, who prophesied of the grace that should come unto you:11 searching what time or what manner of time the Spirit of Christ which was in them did point unto, when it testified beforehand the sufferings of Christ, and the glories that should follow them.12 To whom it was revealed, that not unto themselves, but unto you, did they minister these things, which now have been announced unto you through them that preached the gospel unto you by the Holy Spirit sent forth from heaven; which things angel desire to look into.13 Wherefore girding up the loins of your mind, be sober and set your hope perfectly on the grace that is to be brought unto you at the revelation of Jesus Christ;14 as children of obedience, not fashioning yourselves according to your former lusts in the time of your ignorance:15 but like as he who called you is holy, be ye yourselves also holy in all manner of living;16 because it is written, Ye shall be holy; for I am holy.17 And if ye call on him as Father, who without respect of persons judgeth according to each man’s work, pass the time of your sojourning in fear:18 knowing that ye were redeemed, not with corruptible things, with silver or gold, from your vain manner of life handed down from your fathers;19 but with precious blood, as of a lamb without spot, even the blood of Christ:20 who was foreknown indeed before the foundation of the world, but was manifested at the end of times for your sake,21 who through him are believers in God, that raised him from the dead, and gave him glory; so that your faith and hope might be in God.22 Seeing ye have purified your souls in your obedience to the truth unto unfeigned love of the brethren, love one another from the heart fervently:23 having been begotten again, not of corruptible seed, but of incorruptible, through the word of God, which liveth and abideth.24 For, All flesh is as grass, And all the glory thereof as the flower of grass. The grass withereth, and the flower falleth:25 But the word of the Lord abideth for ever. And this is the word of good tidings which was preached unto you.