1 PETORO 4
1 Mme jaanong e re ka Keresete a re bogetse ka fa mmeleng, le lona tlhomelang ona mogopolo oo; gonne yo o bogileng ka fa mmeleng o baketse boleo, 2 gore mo sebakeng se se sa ntseng se setse sa go phela a se tlhole a phelela dikeletso tsa batho, mme a phelele thato ya Modimo. 3 Gonne go lekanye, fa re dirisitse thato ya baheitane mo sebakeng se se fetileng ka go tsamaya ka boitaolo le dikeletso le botagwa le bojabele le tlhapelo le ditirelo tsa medimo e sele tse di maila.t 4 Ke ka moo ba fitlhelang lo ba fetogetse baeng, ba a lo nyefola, ka lo sa tlhole lo tsamaya nabo mo boithatelong joo jwa tatlhego; 5 ke bone ba ba tla ikarabelang fa pele ga gagwe yo o iketleeleditseng go atlhola baphedi le baswi.t
6 Ke ka ntlha ya moo baswi le bone ba reretsweng Efangele gore ba atlholwe ka fa mokgweng wa batho mo nameng, mme ka fa mokgweng wa Modimo ba phele mo moweng.t
7 Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela.t 8 Bogolo go dilo tsotlhe ratanang thata; gonne lorato lo bipa dibe tsotlhe.t 9 Tsholanang mo maetong go se na ngongorego.t 10 Direlanang, mongwe le mongwe ka fa neong e o e amogetseng, lo nne badirisi ba ba molemo ba methale ya bopelontle jwa Modimo:
11 Fa mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko a Modimo; fa mongwe a direla, a a direle ka thata e Modimo o e mo abelang, gore mo dilong tsotlhe go galalediwe Modimo ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe le thata go ya bosakhutleng. Amen.t
12 Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke pogo e e fisang e e lo dirafalelang gore lo lekwe, jaaka e kete lo dirafalelwa ke se se ronang.t 13 Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.t 14 Lo sego, fa lo kgojwa ka ntlha ya leina la ga Keresete, ka Mowa wa kgalalelo wa Modimo o ntse mo go lona. Mo go bone le a kgalwa, mme mo go lona le a galalediwa.t 15 Kana go se ka ga nna ope wa lona yo o bogisiwang, e le mmolai gongwe legodu gongwe modira-bosula gongwe yo o itsenyang mo dilong tse di sa mo tshwanelang.
16 Mme fa a bogisiwa, ka a le Mokeresete, a a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya leina leo, mme a a galaletse Modimo ka lone.t
17 Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng?t
18 Mme
“Fa mosiami a batlile
go tlhaela go pholosiwa,
kana moikepi le moleofi
ba tla ya kae?”t
19 Ka moo he, a ba ba bogang ka fa thatong ya Modimo ba neele Mmopi yo o boikanyo mewa ya bone ba ntse ba dira molemo.t
1 Peter 4
1 Forasmuch then as Christ suffered in the flesh, arm ye yourselves also with the same mind; for he that hath suffered in the flesh hath ceased from sin;2 that ye no longer should live the rest of your time in flesh to the lusts of men, but to the will of God.3 For the time past may suffice to have wrought the desire of the Gentiles, and to have walked in lasciviousness, lusts, winebibbings, revellings, carousings, and abominable idolatries:4 wherein they think it strange that ye run not with them into the same excess of riot, speaking evil of you:5 who shall give account to him that is ready to judge the living and the dead.6 For unto this end was the gospel preached even to the dead, that they might be judged indeed according to men in the flesh, but live according to God in the spirit.7 But the end of all things is at hand: be ye therefore of sound mind, and be sober unto prayer:8 above all things being fervent in your love among yourselves; for love covereth a multitude of sins:9 using hospitality one to another without murmuring:10 according as each hath received a gift, ministering it among yourselves, as good stewards of the manifold grace of God;11 if any man speaketh, speaking as it were oracles of God; is any man ministereth, ministering as of the strength which God supplieth: that in all things God may be glorified through Jesus Christ, whose is the glory and the dominion for ever and ever. Amen.12 Beloved, think it not strange concerning the fiery trial among you, which cometh upon you to prove you, as though a strange thing happened unto you:13 but insomuch as ye are partakers of Christ’s sufferings, rejoice; that at the revelation of his glory also ye may rejoice with exceeding joy.14 If ye are reproached for the name of Christ, blessed are ye; because the Spirit of glory and the Spirit of God resteth upon you.15 For let none of you suffer as a murderer, or a thief, or an evil-doer, or as a meddler in other men’s matters:16 but if a man suffer as a Christian, let him not be ashamed; but let him glorify God in this name.17 For the time is come for judgment to begin at the house of God: and if it begin first at us, what shall be the end of them that obey not the gospel of God?18 And if the righteous is scarcely saved, where shall the ungodly and sinner appear?19 Wherefore let them also that suffer according to the will of God commit their souls in well-doing unto a faithful Creator.