2 BAKORINTHE 1
Tumediso le keletso ya bopelotlhomogi
1 Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, le Timotheo mokaulengwe, re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe le baitshepi botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Agaya:t
2 A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!tPaulo o lebogela Modimo thuso ya ona
3 A go bakwe Modimo, e bong Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, Rara yo o mautlwelo-botlhoko, Modimo wa kgomotso yotlhe,t 4 o o re gomotsang mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona gore re tle re nonofe go gomotsa bone ba ba mo dipitlaganong tsa mefutafuta ka kgomotso e le rona ka rosi re gomodiwang ke Modimo ka yona; 5 gonne kgomotso e re ntsifaletse ka Keresete, jaaka dipogiso tsa ga Keresete le tsona di re ntsifaletse.t 6 Mme fa re pitlaganngwa, e a be e le gore lo bone kgomotso le pholoso; gongwe fa re gomodiwa, e a be e le ka ntlha ya kgomotsego ya lona e e itshupang ka go itshokela tsona dipogo tse le rona re di bogang.t
7 Mme tsholofelo ya rona ka ga lona e tlhomame, ka re itse gore lo tlhakanetse kgomotso le rona fela jaaka lo tlhakanetse dipogo.
8 Gonne bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga pitlagano ya rona e e re dirafaletseng kwa Asia, gore re ne re tlaletswe bogolo go feta thata ya rona, mo re bileng ra tlhoboga le matshelo a rona.t 9 Tota mo teng ga rona re ne re setse re ineetse go swa, e le gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, 10 o o re golotseng mo losong lo lo kalokalo, mme o sa ntse o re golola, o re solofelang mo go ona gore o tla nna o re golola;
11 ka le lona lo ntse lo thusa ka go re rapelela, gore neo ya bopelotlhomogi e re e bonyeng e lebogelwe ke batho ba bantsi ka malebogo a mantsi ka ntlha ya rona.Boikarabelo jwa ga Paulo
12 Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo;t 13 gonne ga re lo kwalele dilo di sele, fa e se tse lo di buisang, lo di tlhaloganya; mme ke solofela gore lo tla nna lo lemoga go ya bokhutlong,
14 jaaka lo setse lo re lemogile go se gonene gore re pelafalo ya lona, fela jaaka le lona lo le ya rona ka letsatsi la ga Jesu, Morena wa rona.t
15 Mme ke ne ke ikaeletse go tla koo go lona pele ka go ikanya jalo gore lo bone bopelotlhomogi gape, 16 le go feta jalo ka lona go ya kwa Maketonia, le go boa gape kwa Maketonia go tla koo go lona, le gore lo mpate go ya kwa Jutea.t 17 Jaanong a ke ne ka go tsaya ka motlhofo, fa ke ikaeletse jalo? Kampo a se ke se ikaelelang ke se ikaelela ka fa nameng gore mo go nna Ee, Ee, e tshwane le Nnyaya, Nnyaya? 18 Modimo o boikanyo, o ka supa gore lefoko le re le lo boleletseng ga le tlhakanye Ee le Nnyaya; 19 gonne Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo re mo rerileng mo go lona, e bong nna le Silefano le Timotheo, ga a ka a nna Ee le Nnyaya, mme mo go ene go ntse go le Ee; 20 gonne le fa go ka nna dipolelelopele tsa Modimo di le kae, di Ee mo go ene; ke ka moo re reng Amen ka ene go galaletsa Modimo.t 21 Mme ene yo o re tlhomamisang mmogo le lona mo go Keresete yo o re tloditseng ke Modimo,t
22 o e bileng o re tshwaile, wa re naya sebeelelo sa Mowa mo dipelong tsa rona.tPaulo o tlhalosetsa Bakorinthe se se mo kganetseng go ya kwa go bone
23 Mme nna ke bitsa Modimo go nna mosupi wa mowa wa me gore fa ke se ka ka tla gape koo Korinthe, ke ka ntlha ya go lo rekegela.t 24 Ga se gore re laola tumelo ya lona, mme re thusa go oketsa boitumelo jwa lona; gonne lo eme mo tumelong.t
2 Corinthians 1
1 Paul, an apostle of Christ Jesus through the will of God, and Timothy our brother, unto the church of God which is at Corinth, with all the saints that are in the whole of Achaia:2 Grace to you and peace from God our Father and the Lord Jesus Christ.3 Blessed be the God and Father of our Lord Jesus Christ, the Father of mercies and God of all comfort;4 who comforteth us in all our affliction, that we may be able to comfort them that are in any affliction, through the comfort wherewith we ourselves are comforted of God.5 For as the sufferings of Christ abound unto us, even so our comfort also aboundeth through Christ.6 But whether we are afflicted, it is for your comfort and salvation; or whether we are comforted, it is for your comfort, which worketh in the patient enduring of the same sufferings which we also suffer:7 and our hope for you is stedfast; knowing that, as ye are partakers of the sufferings, so also are ye of the comfort.8 For we would not have you ignorant, brethren, concerning our affliction which befell us in Asia, that we were weighed down exceedingly, beyond our power, insomuch that we despaired even of life:9 yea, we ourselves have had the sentence of death within ourselves, that we should not trust in ourselves, but in God who raiseth the dead:10 who delivered us out of so great a death, and will deliver: on whom we have set our hope that he will also still deliver us;11 ye also helping together on our behalf by your supplication; that, for the gift bestowed upon us by means of many, thanks may be given by many persons on our behalf.12 For our glorifying is this, the testimony of our conscience, that in holiness and sincerity of God, not in fleshly wisdom but in the grace of God, we behaved ourselves in the world, and more abundantly to you-ward.13 For we write no other things unto you, than what ye read or even acknowledge, and I hope ye will acknowledge unto the end:14 as also ye did acknowledge us in part, that we are your glorying, even as ye also are ours, in the day of our Lord Jesus.15 And in this confidence I was minded to come first unto you, that ye might have a second benefit;16 and by you to pass into Macedonia, and again from Macedonia to come unto you, and of you to be set forward on my journey unto Judaea.17 When I therefore was thus minded, did I show fickleness? or the things that I purpose, do I purpose according to the flesh, that with me there should be the yea yea and the nay nay?18 But as God is faithful, our word toward you is not yea and nay.19 For the Son of God, Jesus Christ, who was preached among you by us, even by me and Silvanus and Timothy, was not yea and nay, but in him is yea.20 For how many soever be the promises of God, in him is the yea: wherefore also through him is the Amen, unto the glory of God through us.21 Now he that establisheth us with you in Christ, and anointed us, is God;22 who also sealed us, and gave us the earnest of the Spirit in our hearts.23 But I call God for a witness upon my soul, that to spare you I forbare to come unto Corinth.24 Not that we have lordship over your faith, but are helpers of your joy: for in faith ye stand fast.