previous next

2 BATHESALONIKA 1

Tumediso

1 Nna Paulo le Silefano le Timotheo re kwalela phuthego ya Thesalonika e e mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete:t

2 A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!

Botswelelopele jwa Bathesalonika le tlhomamo ya bona mo tumelong le mo loratong mo nakong ya dipogo


3 Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele.t

4 Ke ka moo rona ka rosi re belafalang ka lona mo diphuthegong tsa Modimo ka ntlha ya boitshoko jwa lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona le mo dipitlaganyong tse lo di itshokelang.t
5 Ke sesupo sa katlholo e e siameng ya Modimo gore lo kaiwe lo le ba ba tshwanetseng puso ya Modimo e lo bileng lo e bogela;t 6 ka gonne go siame mo Modimong gore o busetse ba ba lo pitlaganyang pitlaganyo,t 7 mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,t 8 a le mo kgabong ya molelo, a busolosa bone ba ba sa itseng Modimo, e bong bone ba ba sa utlweng Efangele ya ga Jesu Morena wa rona.t 9 Ba tla boga petso, e bong tshenyego e e sa khutleng, e le ya go nna kgakala le sefatlhego sa Morena le kgalalelo ya thata ya gagwe,t

10 motlhang a tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa ke badumedi botlhe ka letsatsi leo; gonne tshupo ya rona e re e lo reretseng e dumetswe.t
11 Ke ka moo re ntseng re lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire ba ba tshwanetseng pitso, o bo o dirafatse natefelo nngwe le nngwe ya bopelontle jwa ona le tiro ya tumelo ka thata, 12 gore leina la ga Jesu Morena wa rona le galalediwe mo go lona le lona mo go ene ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo wa rona le jwa Morena Jesu Keresete.

2 Thessalonians 1

1 Paul, and Silvanus, and Timothy, unto the church of the Thessalonians in God our Father and the Lord Jesus Christ;2 Grace to you and peace from God the Father and the Lord Jesus Christ.3 We are bound to give thanks to God always to you, brethren, even as it is meet, for that your faith growth exceedingly, and the love of each one of you all toward one another aboundeth;4 so that we ourselves glory in you in the churches of God for your patience and faith in all your persecutions and in the afflictions which ye endure;5 which is a manifest token of the righteous judgment of God; to the end that ye may be counted worthy of the kingdom of God, for which ye also suffer:6 if so be that it is a righteous thing with God to recompense affliction to them that afflict you,7 and to you that are afflicted rest with us, at the revelation of the Lord Jesus from heaven with the angels of his power in flaming fire,8 rendering vengeance to them that know not God, and to them that obey not the gospel of our Lord Jesus:9 who shall suffer punishment, even eternal destruction from the face of the Lord and from the glory of his might,10 when he shall come to be glorified in his saints, and to be marvelled at in all them that believed (because our testimony unto you was believed) in that day.11 To which end we also pray always for you, that our God may count you worthy of your calling, and fulfil every desire of goodness and every work of faith, with power;12 that the name of our Lord Jesus may be glorified in you, and ye in him, according to the grace of our God and the Lord Jesus Christ.