2 TIMOTHEO 2
Kaelo ya go ema ka tlhomamo mo tumelong le mo tirelong
1 Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu.
2 Mme dilo tse o di utlwileng mo go nna go le basupi ba bantsi, o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba bileng ba tla nonofa go di ruta ba bangwe.t
3 Boga le nna jaaka motlhabani yo o siameng wa ga Keresete Jesu. 4 Ga go ope yo e a reng a bololetse tlhabano, a tshwenyegele tse a iphedisang ka tsona, mme o dira gore a kgatlhe ene yo o mmileditseng ntweng. 5 Kana le fa motho a tsena mo kgaisanyong, ga a nke a rwesiwa serwalo, fa a sa se lekele ka fa molaong.t 6 Molemi yo o itapisang o tshwanetse go nna wa ntlha yo o jang maungo.
7 Ela se ke se buang tlhoko; gonne Morena o tla go neela tlhaloganyo mo dilong tsotlhe.t
8 Gopola Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, yo e leng wa losika lwa ga Dafita ka fa Efangeleng ya met 9 e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.t 10 Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng.t
11 Lefoko le le boikanyo ke le:
“Fa re sule nae,
re tla phela nae.t
12 Fa re itshoka,
re tla busa nae; fa re mo itatola,
le ene o tla re itatola.t
13 Fa re sa ikanyege,
ene o tla nna a le boikanyo;
gonne ga a ka ke a iitatola.”tKa ga maitsholo a a ka rutang ba ba fapogileng thuto e e siameng le bophelo jo bo itshekileng
14 Dilo tseo o di ba gopotse, o ba tlhagise fa pele ga Modimo gore ba se ka ba ganetsanya ka mafoko mo go sa thuseng sepe, mme e le fela go isa ba ba a utlwang mo tshenyegong.t 15 O nne tlhaga gore o itshupetse Modimo o le yo o ikanyegang, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, yo o lebanyang Lefoko la boammaaruri ka tshwanelo.t 16 Mme dipalabalo tsa boithamako o di tshabe; gonne babalabadi ba tla nna ba tswelela pele fela mo boikepong.t 17 Lefoko la bone le tla nna le kekela jaaka tlhagala e e kekelang, ba Himeneo le Fileto e leng bangwe ba bone,t 18 ba ba fapogileng boammaaruri ba re tsogo ya baswi e setse e dirafetse, ba be ba senya tumelo ya ba bangwe.
19 Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.”t
20 Mme jaanong mo ntlong e kgolo ga go na dijana tsa gouta le tsa selefera fela, mme go na le tsa logong le tsa letsopa le tsona, tse dingwe e le tsa tlotlo, tse dingwe e le tsa tlotlololo. 21 Jaanong fa motho a tlhapa dilo tseo, o tla nna sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se lebanyeng go direla mong wa ntlo, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo. 22 Tshaba dikeletso tsa bokau, o batle tshiamo le tumelo le lorato le kagiso mmogo le ba ba bitsang Morena ka dipelo tse di itshekileng.t 23 Mme dipotso tsa bosilo le tsa bonyana o di gane, ka o itse gore di tsala kgang fela.t 24 Mme motlhanka wa Morena ga a tshwanela go nna motho wa kgang, mme a a nne pelontle le botlhe, a itse go ruta, mme a itshokele bosula;t 25 a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri, 26 ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe.
2 Timothy 2
1 Thou therefore, my child, be strengthened in the grace that is in Christ Jesus.2 And the things which thou hast heard from me among many witnesses, the same commit thou to faithful men, who shall be able to teach others also.3 Suffer hardship with me, as a good soldier of Christ Jesus.4 No soldier on service entangleth himself in the affairs of this life; that he may please him who enrolled him as a soldier.5 And if also a man contend in the games, he is not crowned, except he have contended lawfully.6 The husbandmen that laboreth must be the first to partake of the fruits.7 Consider what I say; for the Lord shall give thee understanding in all things.8 Remember Jesus Christ, risen from the dead, of the seed of David, according to my gospel:9 wherein I suffer hardship unto bonds, as a malefactor; but the word of God is not bound.10 Therefore I endure all things for the elect’s sake, that they also may obtain the salvation which is in Christ Jesus with eternal glory.11 Faithful is the saying: For if we died with him, we shall also live with him:12 if we endure, we shall also reign with him: if we shall deny him, he also will deny us:13 if we are faithless, he abideth faithful; for he cannot deny himself.14 Of these things put them in remembrance, charging them in the sight of the Lord, that they strive not about words, to no profit, to the subverting of them that hear.15 Give diligence to present thyself approved unto God, a workman that needeth not to be ashamed, handling aright the word of truth.16 But shun profane babblings: for they will proceed further in ungodliness,17 and their word will eat as doth a gangrene: of whom is Hymenaeus an Philetus;18 men who concerning the truth have erred, saying that the resurrection is past already, and overthrow the faith of some.19 Howbeit the firm foundation of God standeth, having this seal, The Lord knoweth them that are his: and, Let every one that nameth the name of the Lord depart from unrighteousness.20 Now in a great house there are not only vessels of gold and of silver, but also of wood and of earth; and some unto honor, and some unto dishonor.21 If a man therefore purge himself from these, he shall be a vessel unto honor, sanctified, meet for the master’s use, prepared unto every good work.22 after righteousness, faith, love, peace, with them that call on the Lord out of a pure heart.23 But foolish and ignorant questionings refuse, knowing that they gender strifes.24 And the Lord’s servant must not strive, but be gentle towards all, apt to teach, forbearing,25 in meekness correcting them that oppose themselves; if peradventure God may give them repentance unto the knowledge of the truth,26 and they may recover themselves out of the snare of the devil, having been taken captive by him unto his will.