previous next

DITIRO 6

Go tlhaolwa bathusi ba baapostolo

1 E rile mo malatsing ao, fa barutwa ba ntsifala, ga tsoga ngongorego ya ba ba buang Segerika, ba ngongoregela ba ba buang Sehebere, ka batlholagadi ba bone ba sa tlhokomelwe mo tlamelong ya malatsi.t 2 Foo ba ba 12 ba bitsa barutwa botlhe ba re: “Ga go a tshwanela gore re ka tlogela Lefoko la Modimo, ra ya go aba dijo. 3 Ka moo, bakaulengwe, itlhopheleng banna ba supa mo go lona, ba ba supelwang gore ba siame, ba ba tletseng Mowa le botlhale, ba re ka ba laodisang tiro e e batlegang eo.t

4 Mme rona re tla tshwarelela mo thapelong le mo tirelong ya Lefoko.”
5 Lefoko le la kgatlha botlhe pitsong, mme ba tlhopha Setefane, monna yo o tletseng tumelo le Mowa o o Boitshepo, le Filipo le Porogoro le Nikanore le Timone le Paremena le Nikolao, motlhabologi wa kwa Antiogia;t

6 ba ba emisa fa pele ga baapostolo. Ya re ba sena go rapela, ba ba baya diatla.t

7 Lefoko la Modimo la tota, palo ya barutwa ya ntsifala thata mo Jerusalema, lesomo le legolo la baperesiti la ineela mo tumelong.t

Setefane o a latofadiwa


8 Mme Setefane, e le yo o tletseng tumelo le thata, a dira dikgakgamatso le ditshupo tse dikgolo mo bathong. 9 Jaanong ga tsoga bangwe ba e leng ba senagoge se se bidiwang sa Balibertine le Bakirene le Baaleksanteria, le ba ba tswang kwa Kilekia le Asia, ba ganetsanya le Setefane. 10 Mme ba ne ba sa nonofa go emelana le botlhale le Mowa o a buang ka ona.t

11 Ke fa ba tlhotlheletsa banna ba ba reng: “Re mo utlwile a bua mafoko a kgalo ka ga Moše le Modimo.”t
12 Ba be ba hudua batho le bagolo ba morafe le Baitsedikwalo, ba mo wela, ba mo tshwara ka thata, ba mo isa lekgotleng le legolo. 13 Ba emisa basupi ba maaka ba ba reng: “Motho yo ga a khutle go bua mafoko a go nyefola Felo-fa-go-Boitshepo ga mono le molao;t 14 gonne re mo utlwile a re: Jesu yoo wa Nasaretha o tla senya Felo fa, a ba a fetola mekgwa e Moše o e re neileng.” 15 Ya re botlhe ba ba dutseng mo lekgotleng le legolo ba mo tsepile matlho, ba bona sefatlhego sa gagwe se tshwana le sa moengele.

Acts 6

1 Now in these days, when the number of the disciples was multiplying, there arose a murmuring of the Grecian Jews against the Hebrews, because their widows were neglected in the daily ministration.2 And the twelve called the multitude of the disciples unto them, and said, It is not fit that we should forsake the word of God, and serve tables.3 Look ye out therefore, brethren, from among you seven men of good report, full of the Spirit and of wisdom, whom we may appoint over this business.4 But we will continue stedfastly in prayer, and in the ministry of the word.5 And the saying pleased the whole multitude: and they chose Stephen, a man full of faith and of the Holy Spirit, and Philip, and Prochorus, and Nicanor, and Timon, and Parmenas, and Nicolaus a proselyte of Antioch;6 whom they set before the apostles: and when they had prayed, they laid their hands upon them.7 And the word of God increased; and the number of the disciples multiplied in Jerusalem exceedingly; and a great company of the priests were obedient to the faith.8 And Stephen, full of grace and power, wrought great wonders and signs among the people.9 But there arose certain of them that were of the synagogue called the synagogue of the Libertines, and of the Cyrenians, and of the Alexandrians, and of them of Cilicia and Asia, disputing with Stephen.10 And they were not able to withstand the wisdom and the Spirit by which he spake.11 Then they suborned men, who said, We have heard him speak blasphemous words against Moses, and against God.12 And they stirred up the people, and the elders, and the scribes, and came upon him, and seized him, and brought him into the council,13 and set up false witnesses, who said, This man ceaseth not to speak words against this holy place, and the law:14 for we have heard him say, that this Jesus of Nazareth shall destroy this place, and shall change the customs which Moses delivered unto us.15 And all that sat in the council, fastening their eyes on him, saw his face as it had been the face of an angel.