previous next

BAEFESO 2

Sesupo sa thata ya Modimo e e dirileng mo go ba ba neng ba sule ka ditlolo le maleo

1 Le lona o lo tshedisitse ba lo neng lo sule ka ditlolo tsa lona le maleot 2 a lo kileng lwa bo lo tsamaya mo go ona ka fa mokgweng wa lefatshe leno, jaaka mong wa loapi a laola, e bong mowa o le jaanong o dirang mo bathong ba ba sa utlweng,t

3 ba le rona rotlhe re kileng ra bo re tsamaya nabo mo dikeletsong tsa nama ya rona, re dira tse di ratwang ke nama le maikutlo, mme re le bana ba bogale ka fa tlhagong fela jaaka ba bangwe.t
4 Mme Modimo o o humileng boutlwelo-botlhoko ka ntlha ya lorato lo logolo lwa ona lo o re ratileng ka lone, 5 le fa re ne re sule ka ditlolo, o ne wa re phedisa le Keresete – kana lo pholositswe ka boitshwarelo!t6 wa re tsosa nae, wa re nnisa nae mo legodimong go nna mo go ene Keresete Jesu,t 7 gore mo metlheng e e tlang o tle o bonatse khumo e kgolo mo go fetisang ya boitshwarelo jwa ona mo go rona ka bopelontle jo bo mo go Keresete Jesu;t 8 gonne lo pholositswe ka boitshwarelo ka tumelo; mme ga go tswe mo go lona, ke neo ya Modimo.t 9 Ga se ka ditiro, gore go se nne ope yo o ipokang.t

10 Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.t

Modimo o kopantse Bajuta le baheitane go nna phuthego e le nngwe fela ya ga Keresete


11 Ka moo lona ba lo kileng lwa bo lo le baheitane ka fa nameng, ba lo bidiwang ba-sa-rupang ke ba ba bidiwang ba borupi jo bo dirwang ka diatla mo nameng, gakologelwang goret 12 mo metlheng eo lo ne lo se na Keresete, lo le kwa ntle ga morafe wa Modimo wa Iseraele, lo le baeng mo dikgolaganong tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo epe, lo se na Modimo mo lefatsheng.t 13 Mme lona ba lo kileng lwa bo lo le kgakala, lo atameditswe jaanong ka madi a ga Keresete mo go Keresete Jesu. 14 Gonne ke ene kagiso ya rona yo o dirileng gore ba babedi ba nne bongwefela, a ba a phoma lobota lo lo fa gare lwa tomologanyo, e bong letlhoo, a le mo nameng,t 15 ka go tlosa molao wa ditaolo tse di beilweng gore a bope motho yo mošwa a le mongwe fela mo go ene ka ba babedi bao, ka go dira kagiso;t 16 le gore a ruanye boo babedi le Modimo mo mmeleng o le mongwe fela ka sefapaano ka go bolaya letlhoo ka sona. 17 Mme ya re a tla, a lo rerela kagiso ka Efangele, lona ba lo kgakala, a e rerela le ba ba gaufi;t

18 gonne rona ka bobedi jwa rona re na le tsela ya go fitlha ka ena kwa go Rraetsho ka Mowa o le mongwe fela.t
19 Jaanong he, ga lo tlhole lo le baeng le bajaki, mme lo ba morafe mmogo le baitshepi, lo ba ntlo ya Modimo,t 20 ka lo agilwe mo motheong wa baapostolo le baporofeti o Keresete Jesu ka esi e leng lentswe la sekhutlo la ona,t 21 yo kago yotlhe e kopanngwang sentle mo go ene, e ntse e gola go nna tempele e e boitshepo mo Moreneng, 22 yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng.t

Ephesians 2

1 And you did he make alive, when ye were dead through your trespasses and sins,2 wherein ye once walked according to the course of this world, according to the prince of the powers of the air, of the spirit that now worketh in the sons of disobedience;3 among whom we also all once lived in the lust of our flesh, doing the desires of the flesh and of the mind, and were by nature children of wrath, even as the rest:--4 but God, being rich in mercy, for his great love wherewith he loved us,5 even when we were dead through our trespasses, made us alive together with Christ (by grace have ye been saved),6 and raised us up with him, and made us to sit with him in the heavenly places, in Christ Jesus:7 that in the ages to come he might show the exceeding riches of his grace in kindness toward us in Christ Jesus:8 for by grace have ye been saved through faith; and that not of yourselves, it is the gift of God;9 not of works, that no man should glory.10 For we are his workmanship, created in Christ Jesus for good works, which God afore prepared that we should walk in them.11 Wherefore remember, that once ye, the Gentiles in the flesh, who are called Uncircumcision by that which is called Circumcision, in the flesh, made by hands;12 that ye were at that time separate from Christ, alienated from the commonwealth of Israel, and strangers from the covenants of the promise, having no hope and without God in the world.13 But now in Christ Jesus ye that once were far off are made nigh in the blood of Christ.14 For he is our peace, who made both one, and brake down the middle wall of partition,15 having abolished in the flesh the enmity, even the law of commandments contained in ordinances; that he might create in himself of the two one new man, so making peace;16 and might reconcile them both in one body unto God through the cross, having slain the enmity thereby:17 and he came and preached peace to you that were far off, and peace to them that were nigh:18 for through him we both have our access in one Spirit unto the Father.19 So then ye are no more strangers and sojourners, but ye are fellow-citizens with the saints, and of the household of God,20 being built upon the foundation of the apostles and prophets, Christ Jesus himself being the chief corner stone;21 in whom each several building, fitly framed together, groweth into a holy temple in the Lord;22 in whom ye also are builded together for a habitation of God in the Spirit.