previous next

MATHEO 18

Yo mogolo mo pusong ya magodimo

(Mar. 9:33-37; Luka 9:46-48)

1 Ka nako eo barutwa ba ne ba tla go Jesu ba re: “Yo mogolo mo pusong ya magodimo ke mang?” 2 Foo a ipiletsa ngwana, a mmaya mo gare ga bone 3 a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa fetoge, lwa nna jaaka bana, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.t 4 Ka moo, mongwe le mongwe yo o tla ingotlang jaaka ngwana yo, ke ene yo mogolo mo pusong ya magodimo.

5 Yo o tsholang ngwana mongwe yo o ntseng jalo ka leina la me, o tshola nna.t

Tse di leofisang

(Mar. 9:42-48; Luka 17:1-2)


6 “Mme yo o kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene gore lelwala le legolo le golegelelwe mo molaleng wa gagwe, a be a nwediwe mo botennye jwa lewatle.t

7 Ijoo lefatshe ka ntlha ya dikgopiso! Dikgopiso di tshwanetse go tla; fela a tatlhego ya motho wee yo kgopiso e tlang ka ene!
8 “Fa seatla gongwe lonao lwa gago lo go kgopisa, o di kgaole, o di latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le segole gongwe setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng, o na le diatla tse pedi gongwe dinao tse pedi.t

9 Gape fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi.

Nku e e timetseng

(Luka 15:3-7)


10 “Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.t

11 Gonne Morwa-Motho o tsile go pholosa se se latlhegileng.
12 “Lo gopolang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme nngwe ya tsona e timela, a ga ke re o tla tlogela tse di 99 kwa dithabeng, a ya go batla e e timetseng? 13 Mme fa a ka e bona, ruri, ke lo raya ke re: O tla itumelela bogolo go tse di 99 tse di se kang tsa timela.

14 Fela jalo le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a rate gore ope wa ba babotlana ba a latlhege.

Fa ò leofelwa ke mongwe


15 “Fa mokaulengwe wa gago a go leofela, yaa ò mo kgalemele, lo le babedi fela. Fa a ka go utlwa, ò tla bo o iponetse mokaulengwe.t 16 Fa a sa utlwe, tsaya mongwe gongwe babedi nao gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba babedi gongwe ba bararo.t

17 Fa a gana go ba utlwa, o bolelele phuthego; fa a gana go utlwa le yona phuthego, a nne jaaka moheitane le mokgethisi mo go wena.t

Tumalano


18 “Ammaaruri ke lo raya ke re: Sengwe le sengwe se lo tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa legodimong; le se lo tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa legodimong.t
19 “Gape ke lo raya ke re: Fa ba le babedi ba lona ba ka dumalana mo lefatsheng ka ga sengwe se ba tla se kopang, le fa e ka nna eng, ba tla se direlwa ke Rre yo o kwa magodimong;t

20 gonne kwa ba le babedi gongwe ba le bararo ba phuthegetseng teng mo leineng la me, foo ke teng mo gare ga bone.”t

Motlhanka yo o se nang bopelotlhomogi


21 Ke fa Petoro a atamela, a mo raya a re: “Morena, mokaulengwe wa me o ka nteofela ga kae, ke ntse ke mo itshwarela? A e ka nna gasupa?”
22 Jesu a mo raya a re: “Ke go raya ke re: E seng gasupa, mme e nne ga 70 gasupa.t 23 Ka moo puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e neng e rata go tlhatlhoba mesuga le batlhanka ba yona. 24 Ya re e simolola go tlhatlhoba, ga tsisiwa mongwe yo o mosuga nayo ditalentet di le dikete tse some. 25 Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga. 26 Motlhanka yoo a wela fa fatshe, a mo khubamela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go duela tsotlhe.’

27 Morena wa motlhanka yoo a tlhomoga pelo, a mo golola, a mo itshwarela molato.
28 “Jaanong motlhanka yoo a tswa, a kopana le yo mongwe wa batlhanka-ka-ene, yo o mosuga nae diranta di le some, a mo tshwara, a mmeta a re: ‘Lefa molato wa gago!’ 29 Motlhanka-ka-ene a wela fa fatshe, a mo rapela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go lefa tsotlhe.’ 30 Mme a gana, a ya a mo latlhela mo ntlong ya kgolegelo, go tsamaya a lefe molato. 31 Ya re batlhanka-ka-ene ba bona tse di dirafetseng, ba hutsafala thata, ba tla ba begela morena wa bone tsotlhe tse di dirafetseng. 32 Ke fa morena wa gagwe a mmitsa, a mo raya a re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke go itshwaretse molato ole otlhe, ka ò nthapetse. 33 Le wena, a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka-ka-wena botlhoko, jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’

34 Mme morena wa gagwe a tuka bogale, a mo neela batlhokofatsi, go tsamae a lefe molato otlhe.t
35 “Rre wa legodimo le ene o tla direla jalo mongwe le mongwe wa lona yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ka pelo yotlhe.”

Matthew 18

1 In that hour came the disciples unto Jesus, saying, Who then is greatest in the kingdom of heaven?2 And he called to him a little child, and set him in the midst of them,3 and said, Verily I say unto you, Except ye turn, and become as little children, ye shall in no wise enter into the kingdom of heaven.4 Whosoever therefore shall humble himself as this little child, the same is the greatest in the kingdom of heaven.5 And whoso shall receive one such little child in my name receiveth me:6 But whoso shall cause one of these little ones that believe on me to stumble, it is profitable for him that a great millstone should be hanged about his neck, and that he should be sunk in the depth of the sea.

7 Woe unto the world because of occasions of stumbling! for it must needs be that the occasions come; but woe to that man through whom the occasion cometh!8 And if thy hand or thy foot causeth thee to stumble, cut it off, and cast it from thee: it is good for thee to enter into life maimed or halt, rather than having two hands or two feet to be cast into the eternal fire.9 And if thine eye causeth thee to stumble, pluck it out, and cast it from thee: it is good for thee to enter into life with one eye, rather than having two eyes to be cast into the hell of fire.10 See that ye despise not one of these little ones; for I say unto you, that in heaven their angels do always behold the face of my Father who is in heaven.11 For the Son of man came to save that which was lost.12 How think ye? if any man have a hundred sheep, and one of them be gone astray, doth he not leave the ninety and nine, and go unto the mountains, and seek that which goeth astray?13 And if so be that he find it, verily I say unto you, he rejoiceth over it more than over the ninety and nine which have not gone astray.14 Even so it is not the will of your Father who is in heaven, that one of these little ones should perish.

15 And if thy brother sin against thee, go, show him his fault between thee and him alone: if he hear thee, thou hast gained thy brother.16 But if he hear thee not, take with thee one or two more, that at the mouth of two witnesses or three every word may be established.17 And if he refuse to hear them, tell it unto the church: and if he refuse to hear the church also, let him be unto thee as the Gentile and the publican.18 Verily I say unto you, what things soever ye shall bind on earth shall be bound in heaven; and what things soever ye shall loose on earth shall be loosed in heaven.19 Again I say unto you, that if two of you shall agree on earth as touching anything that they shall ask, it shall be done for them of my Father who is in heaven.20 For where two or three are gathered together in my name, there am I in the midst of them.

21 Then came Peter and said to him, Lord, how oft shall my brother sin against me, and I forgive him? until seven times?22 Jesus saith unto him, I say not unto thee, Until seven times; but, Until seventy times seven.23 Therefore is the kingdom of heaven likened unto a certain king, who would make a reckoning with his servants.24 And when he had begun to reckon, one was brought unto him, that owed him ten thousand talents.25 But forasmuch as he had not wherewith to pay, his lord commanded him to be sold, and his wife, and children, and all that he had, and payment to be made.26 The servant therefore fell down and worshipped him, saying, Lord, have patience with me, and I will pay thee all.27 And the lord of that servant, being moved with compassion, released him, and forgave him the debt.28 But that servant went out, and found one of his fellow-servants, who owed him a hundred shillings: and he laid hold on him, and took him by the throat, saying, Pay what thou owest.29 So his fellow-servant fell down and besought him, saying, Have patience with me, and I will pay thee.30 And he would not: but went and cast him into prison, till he should pay that which was due.31 So when his fellow-servants saw what was done, they were exceeding sorry, and came and told unto their lord all that was done.32 Then his lord called him unto him, and saith to him, Thou wicked servant, I forgave thee all that debt, because thou besoughtest me:33 shouldest not thou also have had mercy on thy fellow-servant, even as I had mercy on thee?34 And his lord was wroth, and delivered him to the tormentors, till he should pay all that was due.35 So shall also my heavenly Father do unto you, if ye forgive not every one his brother from your hearts.