previous next

TSHENOLO 20

Satane o bošwa dingwaga di le kete. Badumedi ba busa mmogo le Keresete

1 Jaanong ka bona moengele a fologa kwa legodimong, a tshotse selotlele sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo ka seatla.t 2 A tshwara kgwanyape, noga e kgologolo e e leng Diabolo le Satane, a mo golega dinyaga di le kete,t

3 a mo latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo, a ba a o lotlela, a o kana fa godimo gore a se ka a tlhola a timetsa merafe go tsamaya dinyaga di le kete di fete pele. Morago ga moo o tshwanetse go gololwa sebakanyana.t
4 Ka ba ka bona ditulo tsa bogosi, mme baatlhodi ba nna mo go tsona, ba neelwa katlholo; gape ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya go ipolela Jesu le ka ntlha ya Lefoko la Modimo, ba sa obamela sebata le e seng setshwantsho sa sona, ba sa ipaya letshwao mo diphatleng le mo diatleng; ba tsoga, ba busa mmogo le Keresete dinyaga di le kete.t 5 Baswi ba bangwe bone ba se ka ba tsoga go tsamaya dinyaga tse kete di fete pele. Tsogo eo ke ya ntlha.t

6 Go sego, go bile go boitshepo ene yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha. Mo go bao loso lwa bobedi ga lo na thata epe, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, ba busa nae dinyaga tse kete.t

Satane o a gololwa, mme o fenyediwa ruri


7 E tla re dinyaga tse kete di sena go feta, Satane a gololwe mo kgolegelong ya gagwe, 8 a bolole go timetsa merafe kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, e bong Gogo le Magogo, go ba phuthela ntweng, ba palo ya bone e leng e e kana ka motlhaba wa lewatle.t 9 Ba ne ba bololela lefatshe mo boatlhamong jwa lone, ba dikanyetsa bothibelelo jwa baitshepi le motse o o rategang ka ntwa. Mme molelo wa fologa kwa legodimong, wa ba nyeletsa.t

10 Diabolo yo o ba timeditseng a latlhelwa mo letsheng la molelo le sebabole kwa sebata le moporofeti wa maaka ba leng teng; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare go ya bosakhutleng.t

Katlholo ya bofelo


11 Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.t 12 Ka ba ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga sedulo sa bogosi sa Modimo; jaanong dikwalo tsa bulwa; ga bulwa lokwalo lo longwe lo e leng lwa bophelo; mme baswi ba atlholwa ka fa ditirong tsa bone tse di kwadilweng mo dikwalong.t 13 Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le felo ga baswi tsa ntsha baswi ba ba mo go tsona; jaanong ba atlholwa, mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.t 14 Loso le felo ga baswi tsa latlhelwa mo letsheng la molelo. Ke lone loso lwa bobedi, e bong letsha la molelo.t 15 Mme fa mongwe a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa bophelo, o ne a latlhelwa mo letsheng la molelo.t

Revelation 20

Satan Bound

1 Then I saw an angel coming down from heaven, holding the key of the abyss and a great chain in his hand.2 And he laid hold of the dragon, the serpent of old, who is the devil and Satan, and bound him for a thousand years;3 and he threw him into the abyss, and shut it and sealed it over him, so that he would not deceive the nations any longer, until the thousand years were completed; after these things he must be released for a short time.

4 Then I saw thrones, and they sat on them, and judgment was given to them. And I saw the souls of those who had been beheaded because of their testimony of Jesus and because of the word of God, and those who had not worshiped the beast or his image, and had not received the mark on their forehead and on their hand; and they came to life and reigned with Christ for a thousand years.5 The rest of the dead did not come to life until the thousand years were completed. This is the first resurrection.6 Blessed and holy is the one who has a part in the first resurrection; over these the second death has no power, but they will be priests of God and of Christ and will reign with Him for a thousand years.

Satan Freed, Doomed

7 When the thousand years are completed, Satan will be released from his prison,8 and will come out to deceive the nations which are in the four corners of the earth, Gog and Magog, to gather them together for the war; the number of them is like the sand of the seashore.9 And they came up on the broad plain of the earth and surrounded the camp of the saints and the beloved city, and fire came down from heaven and devoured them.10 And the devil who deceived them was thrown into the lake of fire and brimstone, where the beast and the false prophet are also; and they will be tormented day and night forever and ever.

Judgment at the Throne of God

11 Then I saw a great white throne and Him who sat upon it, from whose presence earth and heaven fled away, and no place was found for them.12 And I saw the dead, the great and the small, standing before the throne, and books were opened; and another book was opened, which is the book of life; and the dead were judged from the things which were written in the books, according to their deeds.13 And the sea gave up the dead which were in it, and death and Hades gave up the dead which were in them; and they were judged, every one of them according to their deeds.14 Then death and Hades were thrown into the lake of fire. This is the second death, the lake of fire.15 And if anyone's name was not found written in the book of life, he was thrown into the lake of fire.