TSHENOLO 4
Pontsho ya sedulo sa bogosi. Bagolo ba le 24. Diphedi tse nne
1 Morago ga dilo tseo ka bona mojako mo legodimong o bulegile; lentswe la ntlha le ke le utlwileng le bua le nna e kete la lonaka la re: “Tlhatlogela kwano; ke tla go bontsha tse di tshwanetseng go dirafala metlheng e e tlang.”t 2 Jaanong ka akofa ka tsenwa ke Mowa; ka bona sedulo sa bogosi, se beilwe mo legodimong le mongwe a ntse mo go sona.t 3 Yo o ntseng mo go sona o ne a tshwana le lentswe la botlhokwa la jasepise le saredise; motshewabadimo wa bo o dikanyeditse sedulo sa bogosi, o tshwana le lentswe la semarage.t 4 Mo tikologong ya sedulo sa bogosi go ne go le ditulo di le 24; ka bona bagolo ba le 24 ba ntse mo ditulong tseo, ba apere diaparo tse ditshweu, ba rwele dirwalo tsa bogosi tsa gouta mo ditlhogong.t
5 Go ne go tswa dikgadima le mantswe le ditumo tsa maru mo sedulong sa bogosi. Dipone tse supa tsa bo di tuka fa pele ga sedulo, tse e leng Mewa e supa ya Modimo.t
6 Fa pele ga sedulo go ne go ntse jaaka lewatle la galase, le tshwana le legakwa le le galalelang; mo gare, fa sedulong, e bong mo tikologong ya sona go na le diphedi di le nne, di tletse matlho ka fa pele le ka fa morago.t 7 Setshedi sa ntlha se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le poana; sa boraro se na le sefatlhego se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntswi fa e fofa.t
8 Sengwe le sengwe sa diphedi tse nne tseo se ne se na le diphuka di le thataro, di tletse matlho ka fa ntle le ka fa teng, di sa ikhutse bosigo le motshegare, di ntse di bua di re:
“Go boitshepo, go boitshepo,
go boitshepo Morena,
Modimo Mothatayotlhe
yo o neng a le teng,
yo o leng teng,
yo o tla tlang!”t
9 Jaanong e a re ditshedi di neela yo o ntseng mo sedulong kgalalelo le tlotlo le tebogo, e bong ene yo o tshelang ka bosakhutleng,
10 bagolo ba ba 24 ba itigele fa pele ga yo o ntseng mo sedulong, ba obamele ene yo o phelang ka bosakhutleng, ba bee dirwalo tsa bona tsa bogosi fa pele ga sedulo, ba bue ba re:t
11 “Morena, Modimo wa rona,
o tshwanetse go amogela
kgalalelo le tlotlo le thata;
gonne o tlhodile dilo tsotlhe,
tsa nna teng,
di bopilwe ka fa thatong
ya gago.”
Revelation 4
Scene in Heaven
1 After these things I looked, and behold, a door standing open in heaven, and the first voice which I had heard, like the sound of a trumpet speaking with me, said, "Come up here, and I will show you what must take place after these things."2 Immediately I was tin the Spirit; and behold, a throne was standing in heaven, and One sitting on the throne.3 And He who was sitting was like a jasper stone and a sardius in appearance; and there was a rainbow around the throne, like an emerald in appearance.4 Around the throne were twenty-four thrones; and upon the thrones I saw twenty-four elders sitting, clothed in white garments, and golden crowns on their heads.
The Throne and Worship of the Creator
5 Out from the throne come flashes of lightning and sounds and peals of thunder. And there were seven lamps of fire burning before the throne, which are the seven Spirits of God;6 and before the throne there was something like a sea of glass, like crystal; and in the center and around the throne, four living creatures full of eyes in front and behind.7 The first creature was like a lion, and the second creature like a calf, and the third creature had a face like that of a man, and the fourth creature was like a flying eagle.8 And the four living creatures, each one of them having six wings, are full of eyes around and within; and day and night they do not cease to say, "HOLY, HOLY, HOLY is THE LORD GOD, THE ALMIGHTY, WHO WAS AND WHO IS AND WHO IS TO COME."9 And when the living creatures give glory and honor and thanks to Him who sits on the throne, to Him who lives forever and ever,10 the twenty-four elders will fall down before Him who sits on the throne, and will worship Him who lives forever and ever, and will cast their crowns before the throne, saying,
11 "Worthy are You, our Lord and our God, to receive glory and honor and power; for You created all things, and because of Your will they existed, and were created."